Bogololo, e ne e re Baiseraele ba leofile, ba ne ba duelela dibe tsa bone ka madi a diphologolo kwa taberanakeleng. Dibe tse batho ba neng ba di beile mo taberanakeleng ngwaga otlhe, di ne tsa busetswa podi ya asasele, e e emetseng Saatane, ka moruti mogolo ka Letsatsi la Thuanyo, letsatsi la bo lesome la kgwedi ya bosupa mo khalentareng e e boitshepo. Tiro e e dirwa ka Letsatsi la Thuanyo le mo pakeng e.
Keresete Ahnsahnhong le Modimo Mmaetsho Ba tsile E le taberanakele mo Pakeng ya Mowa o o Boitshepo. Re tshwanetse go Ba leboga ka Ba re bolokile ka go nna ditlhabelo go direla dibe tsa batho botlhe thuanyo. Re tshwanetse gape ra diragatsa lerato go barwarrê le barwadierrê le re le amogetseng go tswa Modimong.
“Felo-ga-Boitshepo ga rona ke sedulo sa bogosi se se galalelang, se se goditsweng go tswa tshimologong. Morena, ò tsholofelo ya Iseraele.”
Jeremia 17:12-13
E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!”
Johane 1:29
119 Bundang P.O.Box, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of KOREA
Tel 031-738-5999 Fax 031-738-5998
Head Office: 50, Sunae-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
Main Church: 35, Pangyoyeok-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
ⓒ World Mission Society Church of God. All rights reserved. Privacy Policy