Ka gore ke go katela ebile gape ke phitlho ya maleo a batho botlhe, kolobetso ga e reye go tlhapa fela,
mme kolobetso ka bokao jwa go tsenngwa mo metsing (phitlho) ke nnete ya Baebele.
Ka Baebele ya re, “Tefo ya boleo ke loso,” batho botlhe ba tlile go swa tsatsi lengwe.
Mme, Modimo O ba letla go katela maleo a bone pele ga nako ka kolobetso,
A bo A naya ba ba kolobediwang botshelo jo bo ntšha fela jaaka A tsositse Jeso mo baswing.
Modimo O abela ba ba jang mmele wa ga Jeso ba bo ba nwa madi a Gagwe botshelo jo bo sa feleng gore ba se ka ba leofa gape morago ga go tlosa maleo a bone ka kolobetso.
Modimo O re Neela Boitshwarelo jwa Maleo ka Kolobetso, le Botshelo jo bo sa Feleng ka Tlolaganyo ya Kgolagano e Ntšha.
119 Bundang P.O.Box, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of KOREA
Tel 031-738-5999 Fax 031-738-5998
Head Office: 50, Sunae-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
Main Church: 35, Pangyoyeok-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
ⓒ World Mission Society Church of God. All rights reserved. Privacy Policy