Fa mafatshe a bone a thatafala, dikgosi jaaka Rehebeame, Saule, Usia, Aase, le Setegia ba ne ba itsholetsa ba bo ba nna le boikgogomoso.
Ka jalo, ba ne ba leofa kgatlhanong le Modimo ba bo ba senngwa.
Mo letlhakoreng le lengwe, Jothame, Dafita, Daniele, le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba nna ba tshepagala mo Modimong ba bo ba segofadiwa ke Modimo.
E ke thuto e e botlhokwa e e supang tsela ya tumelo e maloko a Kereke ya Modimo a tshwanetseng go e sala morago malatsi a.
A tshwanetse go nna a tshepagala mo Modimong, e seng ka tumelo e e etsaetsegang e lebile diemo le tikologo.
Gape, a tshwanetse go dumela mo thusong ya Keresete Ahnsahnghong le Modimo Mmaetsho a bo a diragatsa efangedi go ya ka lefoko a Modimo.
Ka jalo, Modimo O tla dira gore Sione e thatafale, e atlege, gape e na le seriti mo lefatsheng lotlhe fela jaaka lefatshe la ga Dafita.
Saule a swela jalo mo boikanyologong jwa gagwe jo o neng a leofetse Morena ka jona ka ntlha ya lefoko la Morena le a se kang a le tshegetsa; le gona ka ntlha ya go botsa mowa wa moswi go batla kgakololo.
Mme a se ka a batla kgakololo mo Moreneng. Ka moo Morena a mo gogela losong, mme a sokololela bogosi kwa go Dafita morwa Isai.
1 Ditirafalo 10:13–14
Jothame a thatafala jalo; gonne o ne a siamisa mosepele wa gagwe fa pele ga Morena, Modimo wa gagwe.
2 Ditirafalo 27:6
119 Bundang P.O.Box, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of KOREA
Tel 031-738-5999 Fax 031-738-5998
Head Office: 50, Sunae-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
Main Church: 35, Pangyoyeok-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
ⓒ World Mission Society Church of God. All rights reserved. Privacy Policy